1 Timothy 4

Baruti ba maaka

1Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane.

2Baruti ba ba tlaa bolela maaka ka difatlhogo tse di gagametseng ba bo ba go dira gantsi thata mo e leng gore digakolodi tsa bone ga di kitla di ba kgoreletsa ka gope. 3Ba tlaa re go nyala ga go a siama le go ja nama, le fa Modimo o neetse Bakeresete ba ba rutilweng sentle dilo tse go di itumelela le go di lebogela, 4gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela, 5le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo.

6Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.

7Se senye nako mo dikganetsanyong tsa megopolo ya bomatla le dinaane tsa boeleele le ditlhamane. Dirisa nako ya gago le nonofo mo go itlwaetseng go nna o nitame mo moweng. 8Katiso ya mmele e siame, mme katiso ya semowa e botlhokwa thata ebile ke molemo mo go tsotlhe tse o di dirang. Jalo ikatise mo moweng o itlwaetse go nna Mokeresete yo o siameng, ka gore mo go tlaa go thusa e seng fela mo botshelong jono, mme le e leng le mo go jo bo tlang. 9
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Timotheo I 4:10.
10
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Timotheo I 4:9-10.
Se ke boammaaruri mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bo amogela. Re dira thata re bile re boga thata gore batho ba tle ba bo dumele, gonne tsholofelo ya rona e mo Modimong o o tshelang o o re swetseng rotlhe, bogolo jang ba ba amogetseng poloko ya One.

11Ruta dilo tse, o bo o tlhomamise gore mongwe le mongwe o di ithuta sentle.

12Se letle gore ope a go nyatse ka go bo o le mmotlana. Nna sekao sa bone, dira gore ba latele ka fa o ba rutang ka teng le ka fa o tshelang ka teng; nna sekao mo go bone ka lorato lwa gago; tumelo ya gago, le ka megopolo e e phepa. 13Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo.

14Tlhomamisa go dirisa dinonofo tse Modimo o di go neileng ka baporofiti ba One fa bagolwane ba phuthego ba go baya diatla. 15Dirisa dinonofo tse; dira tiro yotlhe ya gago ka botlalo gore batho botlhe ba tle ba lemoge tlhabologo ya gago le tswelelopele. 16Lebelela ka kelotlhoko mo go tsotlhe tse o di dirang le tse o di akanyang. Nna boammaaruri mo go se se siameng mme Modimo o tlaa go segofatsa o bo o go dirisa go thusa ba bangwe.
Copyright information for TsnLEF